Modimo Wa Boikanyo Lyrics

Check out the lyrics for the song "Modimo Wa Boikanyo".

Mo dinageng tsa lenyora

Mme re lopa ka tlhoafalo
Matshego a ba a bonyeng,
O nne Modimo wa rona,
Mothusi mo tshikatshikeng

Mo ditseleng tsa botshelo
Goga dikgato tsa rona,
Re tle re fitlhe kwa o teng
Legaeng je re le batlang

Re femele mo diphatseng,
Re se digelwe ke sepe,
Re Nee se re se tlhokang,
Dijo le tse di aparwang.

Thuso e re a e lopa
Mo botlalong jwa gago Rra,
Mme re tla go itshenkela,
Re go direle ka metlha.